Ditshegofatso tsa semowa ga di
kake tsa amoganngwa le didirisiwa.
Dineo tsa Modimo ga di rekisiwe.
Mohau wa Modimo ga o rekisiwe.
Gakologelwa mafoko a ga Jeso Keresete
mo Mathio 10:8,
" O amogetse mahala; neela mahala."
Nne ke neele tlhaloso sentle
ya lefoko la kgakololo:
Fa ba go raya ba re o duele pele ba go
rapelela, tswe-tswe sia.
Tirelo ya semowa ga e rekisiwa.
Fa gona le sengwe se se gokeletsweng - ' Pele
ga ke go rapelela, o tshwanatse o neele se' -
tswe-tswe sia. Kgaogana
Seo ke thagiso ya semowa e tona.
Se se ka rapelelwng ga se ka
ke sa duelelwa.
Dilo tsa Modimo, dilo tsa semowa
ga di kake tsa duelelwa
go ya ka botlhale jwa se lefatshe.
'Fa o neela A, o ya go tsaya B.' Nnya!
Elang tlhoko batho ba Modimo.
Re amogela melaetsa e tswa mo
bathong ba botswa dipotso -
' Ke kopilwe go duela selekanyo sa X pele
ga ke rapelelwa. A nka tswelela?'
Karabo ke nnyaya, Sia!
Fa o batla go neela, a go tswe
mo pelong ya gago fela -
go sa gokaganngwa le sepe,
go sena go amogana
' Ke mo botlhokong mme fa ke neela se, jaanong ke tla
amogela thapelo' - jaanong o neela go tswa mo botlhokong.
Motho yo o moneelang o amogela
go tswa mo botlhokong.
Fa o batla go neela, neela fela.
Fa o batla go segofatsa Bodiredi,
segofatsa fela
Fa o batla go thusa Bodiredi,
bo thuse fela -
go tswa mo lefelong la boitumelo,
go tswa mo lefelong la kagiso
go tswa mo lefelong la tlhatswego ya pelo go tswa
mo Moweng o Boitshepho, eseng gona le mogatlana
Jaaka Thapelo ya Tirisano e o
tsenelelang tsatsijeno - mahala!
Fa e kare morago ga tirelo, Modimo o baya mo pelong
ya gago, 'Oh, Ke batla go segofatsa Bodiredi' -
kgalaletso ko Modimong! A tshegofatso.
Ke a leboga Jeso.
oMme ga gona sepe se se gekagantsweng.
Fa o kopiwa go duela pele o rapelelwa,
tswe-tswe sia,