Ditshegofatso tsa semowa ga di kake tsa amoganngwa le didirisiwa. Dineo tsa Modimo ga di rekisiwe. Mohau wa Modimo ga o rekisiwe. Gakologelwa mafoko a ga Jeso Keresete mo Mathio 10:8, " O amogetse mahala; neela mahala." Nne ke neele tlhaloso sentle ya lefoko la kgakololo: Fa ba go raya ba re o duele pele ba go rapelela, tswe-tswe sia. Tirelo ya semowa ga e rekisiwa. Fa gona le sengwe se se gokeletsweng - ' Pele ga ke go rapelela, o tshwanatse o neele se' - tswe-tswe sia. Kgaogana Seo ke thagiso ya semowa e tona. Se se ka rapelelwng ga se ka ke sa duelelwa. Dilo tsa Modimo, dilo tsa semowa ga di kake tsa duelelwa go ya ka botlhale jwa se lefatshe. 'Fa o neela A, o ya go tsaya B.' Nnya! Elang tlhoko batho ba Modimo. Re amogela melaetsa e tswa mo bathong ba botswa dipotso - ' Ke kopilwe go duela selekanyo sa X pele ga ke rapelelwa. A nka tswelela?' Karabo ke nnyaya, Sia! Fa o batla go neela, a go tswe mo pelong ya gago fela - go sa gokaganngwa le sepe, go sena go amogana ' Ke mo botlhokong mme fa ke neela se, jaanong ke tla amogela thapelo' - jaanong o neela go tswa mo botlhokong. Motho yo o moneelang o amogela go tswa mo botlhokong. Fa o batla go neela, neela fela. Fa o batla go segofatsa Bodiredi, segofatsa fela Fa o batla go thusa Bodiredi, bo thuse fela - go tswa mo lefelong la boitumelo, go tswa mo lefelong la kagiso go tswa mo lefelong la tlhatswego ya pelo go tswa mo Moweng o Boitshepho, eseng gona le mogatlana Jaaka Thapelo ya Tirisano e o tsenelelang tsatsijeno - mahala! Fa e kare morago ga tirelo, Modimo o baya mo pelong ya gago, 'Oh, Ke batla go segofatsa Bodiredi' - kgalaletso ko Modimong! A tshegofatso. Ke a leboga Jeso. oMme ga gona sepe se se gekagantsweng. Fa o kopiwa go duela pele o rapelelwa, tswe-tswe sia,