-
"Morena ke le lefika le phemelo yame
le mogolodi wame;
-
Modimo wame, thata yame, le ke
tshabelang kwa go lone;
-
ke thebe le lenaka la pholoso le
kago ya phemelo yame" (Dipesalema 18:2)
-
Ke batla o bolele, bua se
le nna gone jaana:
-
"Ga ke boife ka gore ga ke nosi.
-
Modimo ke lefika lame. Modimo ke
thata yame. Modimo ke phemelo yame.
-
Modimo ke thebe yame. ke kago
ya phemelo yame.
-
Ga ke boife ka gore ga ke nosi."
-
Le fa matsubutsubu a ka galefa, Lefika
lame la sala le eme.
-
Se se raya eng, batho ba Modimo?
-
Matsubutsubu a ka galefa go go dikologa mme o
ka nna le kagiso, boiketlo mo go wena
-
ka gore o eme mo lefikeng le le thata
la lefoko le le tshelang la Modimo.