-
Batho ba le bantsi gompieno ba tla ko Modimong ba
solofela gore a tlhatswa botlhaswa jwa bone
-
jo ba bo dirilweng ke go palelwa ke go
sala morago thulaganyo ya Gagwe.
-
Bona, re direla Modimo o o
mautlwelobotlhoko.
-
Modimo wa rona o tletse mautlelobotlhoko
le bopelothomogi.
-
Mme ke a go bolelela, batho ba Modimo,
mautlelobotlhoko a Modimo a ka go fitlhelela ko o teng.
-
Mme ga se go go baya fa o teng.
-
Mohau wa Gagwe - mohau o gakgamatsang,
molodi o monate jang - o tla go fitlhelela ko o teng.
-
Mme ga se go go tlogela fa o teng.
-
Ga ke itse mo teng jwa kutlobotlhoko
ya gago e e go lebaganeng,
-
bokete jwa dikgwetlho tseo
o ka tswang o na natso.
-
Mme mautlwelobotlhoko a Modimo
a tla go fitlhelela gope ko o teng
-
Mme tshwaela se - O kgaola diketane
tsa gago go go gololela go fetoga.
-
Ke ta bua a se gape, batho ba Modimo.
-
O kgaola diketane tsa gago go
go gololela go fetoga.
-
Ga a kgaolele diketane tsa gago gore
nne o tshwana fela.
-
Ke batla go bua se gone jaana
gope ko o teng
-
"Modimo o tla kgaola diketane tsame;"
Ke tla dira phetogo.
-
Fa o na le mongwe, o ka raya motho yoo,
-
"Bona, Modimo o tla kgaola diketane
tsa gago; o tshwanetse o dire phetogo!"
-
Ee, phetogo go tswa mo
kilong go ya ko leratong.
-
Phetogo go tswa mo khutsafalong
le kutlobotlhoko go ya ko boitumelong.
-
Phetogo go tswa mo go ngongoregeng
le ngunanguna go ya ko itumeleng.
-
Phetogo go tswa mo molatong
go ya ko go itshwareleng.
-
Modimo o tla kgaola diketane tsa gago.
-
Ga o kake wa kgona go tshwana fela.